

Bread (Maize) 									SETSWANA



Sejo sa rona sa letsatsi – se ka tshogane se sa tlhole se le yo



Instructions:

1. Folio Strap: 

2. Byline: Jane Mcpherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhatlhobo la balemirui la 

 Grain SA.

3. Tsenya setshwantsho sa senkgwe le setlhogo

4. Photos:

Photo 1: Samuel Moloi (Molemirui wa ngwaga wa 2009), o robile ditono tse 3.5 ka heketatera,tse di gaisang thata tsa korong mo setlheng se.

Photo 2: Go kopanya korong ya ga Samuel Moloi.

 

Mo dinageng tse dintsi tsa lefatshe, batho ba fitlhile mo ba tsayang senkgwe jaaka tshwanelo mme e seng tshiamelo. Le mono Aforikaborwa go jalo, foo bantshakuno ba Aforikaborwa, mo dingwageng di le dintsi, ba ntshitseng korong yotlhe e re e tlhokang, go netefatsa gore re na le senkgwe mo dišelofong ka dinako tsotlhe.



Mo ditlheng tse pedi tse di fetileng, bantshakhuno ba korong ba tshwaragane le tseitsi ya gore ga ba ka ke ba ntsha korong le go dira poelo – ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di kwa godimo thata, fa tlhotlhwa ya kuno yona e le kwa tlase thata.



Bantshakuno ba mo kgwebong,mme jaaka go le ka kgwebo nngwe le nngwe, go falola o tshwanetse go dira poelo. Selekanyo sa madi a o a dirisang go ntsha dijalo, se tshwanetse go nna kwa tlase ga selekanyo sa madi a o a bonang fa o rekisa sejalo. Ka go tlhoka lesego, mo dingwageng tse di sa tswang go feta, ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa ntshodikuno, sekao: metšhine ya temothuo, disele, monontsha, peo, dibolayatlhatshana le dibolayasenyi, inšorense ya dijalo, thobo le dipalangwa, di tlhatlogile go bonala, le mororo tlhotlhwa ya korong e wetse tlase. Bantshakuno ba rona ba tshwanela go kampana le ntlha ya gore ba ka se ke ba tlhola ba tswelela go jala korong gape.



Mo kgannyaneng e, ke tsepamisitse mogopolo mo ntshokunong ya korong mo lefatsheng le le omileng. Go a itlhalosa ka jalo gore maemo a farologane le mo bantshakunong ba nosetso. Bantshakuno ba gale ba jala dijalo tse pedi ka ngwaga, mme ba netefalediwa thobo ya pholo e e kwa godimo. Poelo ya dijalo tse di nosediwang gantsi e feta ya lefatshe le le omileng kgotsa dijalo tse di nosiwang ke pula. Fela le gale go gakologelwe gore ga se lefatshe le le ka nosiwang, fela ke ntlha ya gore naga ya rona ga e na metsi a a lekaneng. Gape re tshwanetse gore re se ke ra kgoba kgetsi ka bantshakuno ba nosetso-gakologelwang gore bontsi jwa rona bo dirisa motlakase go pompela metsi kwa masimong a lona. Rotlhe re na le kgonalo ya tlhatloso e e boitshegang ya tlhotlhwa ya motlakase e e tshikinngwang ke Eskom. Fa ditlhatloso tse di ka diragadiwa, se se tla le kgonagalo ya go thibela bantshakuno bangwe go ntsha dijalo.



Gona go reng bantshakuno ba jala korong?

Bantshakuno ba simolotse go jala korong ya mariga mo legoleng la selemo kwa foreisetatabotlhaba ka dingwaga tsa bo 1950. Ka nako eo, ditshenyegelo di ne di fopholediwa go nna ditono tse 0,5 ka heketara, mme fa o dirisa mekgwatiriso e e siameng ya temo, bantshakuno ba ne ba kgona go bona thobo ya tono e le 1 ka heketara. Dithobo di ka tswa di sa kgatlhise, fela gakologelwa ka dingwaga tseo, tsadisopeo e ne e sa tswelelela jalo, e bile go ne go dirisiwa monontsha o monnye thata fa o ne o dirisiwa. Le fa go ntse jalo bantshakuno ba ne ba dira poelo. Mo dikgaolong di le dintsi tsa foreisetata, mebu ya teng e siametse thata tshomarelo ya bongola mo mmung. Metsi a pula e e nang moragonyana mo selemong le ka letlhabula, a bolokwa mo lefatsheng, mme korong e dirisa ona metsi ao go fitlhelela dipula tsa dikgakologo di na. 



Bantshakuno ba ne ba jala korong jaaka sejalososi mo dingwageng tse dintsi, go fitlhelela “wild oats” e nna mathata mo masimong. Ka gonne “oats” le korong e le losika, go ne go batla go sa kgonagale go bolaya “oats” kwa ntle ga go utlwisa korong botlhoko. Bantshakuno ba ne ba patelesega go sekaseka ntshokuno ya mmidi, le moragonyana disonobolomo jaaka direfosani le korong. Go fetoga go tswa sejalong sa mariga go ya sejalong sa selemo, mme morago le go boela kwa go sona, go ne go na le mesola e mentsi. Gongwe mongwe wa botlhokwa go gaisa e mengwe e ntse taolo ya mefero. ”Oats”e e tlhogang mo marigenge ne e kgona go laolwa mo masimong a a sa jalwang pele ga dijalo tsa selemo di jalwa, mme mefero ya selemo e ne e le bonolo go e laola mo masimong a korong, gonne bontsi jwa yona ke ya matlhare a maphaphathi, fa korong e le matlhare a masesane, ka jalo taolomofero ka khemikale e ne e le bonolo.



Bantshakuno ba ne ba tlhama thulaganyo ya go latsa masimo le thefosanyodijalo-sengwe se se tshwanang le tatelano, ya korong, mmidi, sonobolomo le korong. Montshakuno mongwe le mongwe o na le thulaganyo ya gagwe ya lapa le thefosanyodijalo, go ya fela ka maemo a gagwe, fela paterone e ne e batlile e tshwana le yona e. Dijalo tse dingwe le tsona di fa gongwe di akarediwa-gantsi dijalo tsa furu ya leruo.



Jaanong bantshakuno ba mo tsietsing – ba tlhoka go nna le sejalo sa mariga mo modikong, fela ga ba tlhole ba kgona go lema korong ka poelo. Ba ya go dirang?



A tota Aforikaborwa e tlhoka bantshakuno ba korong? 

Se ke potso e e siameng e re tshwanetseng go e ipotsa – puso le yona e tshwanetse go botsa potso e. Go reng re tshwanetse go tshwenyega ka bantshakuno ba rona? Ba ya go dirang?



Go boammaaruri go re lefatshe le nyenyefetse – dikuno di bapadiwa mo mmarakeng wa lefatshe. Ee, go ka kgonega gore Aforikaborwa a romele teng korong yotlhe e a e tlhokang, e ka nna ya tiriso ya gagwe le yona tota ya dinaga tsa baagisane jaaka Lesotho, Swatsing le Botswana. Fela go romela teng, ditema tse di latelang di tshwanetse go tsewa tsia:



A Aforikaborwa o na le madi a boditšhaba a a lekaneng go kgona go duelela diromelwateng? Gakologelwa gore ga o bone madi a boditšhaba, o tshwanetse wa bo o romela ntle dikuno tsa dinaga tse dingwe di batlang go di reka.

A dinaga tsa thomelontle di tlaa nna le korong e e lekaneng go tla Aforikaborwa ngwaga le ngwaga? Gona go ka diragalang fa ba ka swetsa go dirisetsa lefitiso la bona mo ntshokunong ya ethanolo (sekao fela) mme e seng go romela ntle?

A go na le dikepe tse di lekaneng go rorela korong mono Aforikaborwa?

A maemelakepe a rona a ka kgona go amogela dithoto tsotlhe tse di tlaa tlhokang go romelwa teng go kgotsafatsa ditlhokego tsa naga yotlhe le dinaga tsa baagisani?

A ditsela tsa rona di ka tshwarelwa mo thorong ya dithoro go tswa kwa lobopong?

Go tlaa diragala eng ka batho ba ba dirang mo dipolaseng tse di jalang korong?

Go tlaa diragalang ka batho ba ba thapilweng ke dikoporasi le difala go bereka ka korong?



Re na le palo ya baagi ba magae e ntsi le e humanegileng – re tlhoka go rotloetsa tlhabololo ya ekonomi mo dikgaolong tsa magae. Temothuo ke tsela e e gaisang go fitlhelela se. Bantshakuno ba rona ba tshwanetse go dira poelo gore ba kgone go tswelela go ntsha dikuno.



Ga tweng ka bantshakuno ba bantsho ba ba tlhabologang?

Rotlhe re semeletse go ntshwafatsa temothuo mo Aforikaborwa – go na le bantshakuno ba bantsho ba bantsi ba ba tlhokang go ntsha korong jaaka karolo ya modiko wa thefosanyodijalo wa bona. Ka nako e, re kgonne go ema bantshakuno ba nokeng go tsena mo ntshokunong fela ka gore ba tshegofaditswe ka dikabelo go tswa go Winter Cereals Trust le Lefapha la temothuo la foreisetata. Fa re tshwanela go thusa bantshakuno ba bantsho go lema ka go itshegeletsa, go botlhokwa jo bo masisi thata go sekaseka go nna poelo ga ntshokuno ya korong. 



Ga tweng ka diromelwa teng?

Mo dinageng tse dingwe tsa lefatshe, maemo a ntshokuno a mantle thata – mebu e e botoka le dipula tsa matsorotsoro (ka dinako pula e e kgonang go abelelwa sentle), tota le sona segagane se se naya korong bongola mo dikgweding tsa mariga (korong e nana ga e tsenwe ke serame bonolo). Gape dinaga tse dingwe di na le ditshenyegelo tsa ntshokuno-tse di kwa tlase – sekao: ditlhotlhwa tsa disele le monontsha tsa bona di kwa tlase ga tsa rona. Dinaga tse di kgona go ntsha korong e e fetang e ba e tlhokang ka ba kgona go romela ntle lefitiso la bona. Ee, Aforikaborwa o ka romela teng korong – fela gakologelwa dipotso tse a tshwanelwang ke go di ipotsa.



Tharabololo ke eng? 

Re dumela gore nngwe ya ditharabololo ke go tlhoma kelotefo ya thomeloteng mo koronnye. Fa korong e romelwa teng, bao ba e rekang korong ba tshwanetse go duela lekgetho le le kgethegileng mo go yona. Lekgetho le e tlaa bo e le motswedi wa lotseno wa naga, mme le tlaa thusa go dira kgatelelo ya tlhatloso mo tlhotlhweng ya selegae ya korong. Gakologelwa gore fa mosidi a batla go reka korong, o lebelela boleng le tlhotlhwa. Ka kakaretso boleng jwa korong ya Aforikaborwa bo bontle thata, fela tlhotlhwa e kwa godimo mme mosidi o reka e e rometsweng teng. Fa mosidi a ne a tshwanelwa go duela porimiamo mo koronnye e rometsweng teng,o ne tota a se tlaa akanya go reka dijalo tsa selegae. Fa mosidi a ne a tshwanela go duela porimiami mo koronnye e e rometsweng teng, o ne tota a tlaa akanya go reka dijo tsa selegae. Se se ne se tlaa thusa bantshakuno ka go tlhatlosa tlhotlhwa e montshakuno a e bonang mo dijalong tsa gagwe. 



Fa bantshakuno ba rona ba ne ba ka dira poelo mo koronnye ya bona, ba ne ba ka jala korong e ntsi. Aforikaborwa o ne a dirisa madi a boditšhaba a botlhokwa mo go rekeng korong, ikonomi ya magae ya selegae e ne e tlaa tlhotlhelwa ditiro le dintsi tsa tlhamiwa, bantshakuno ba ne ba tlaa kgona go duela badiri ba bona thata, jalo le jalo. Naga e ka bona mesola e mentsi.



Kelotefo ya thomeloteng e tlaa dirang mo tlhotlhweng ya senkgwe?

Fa re tlaa leba tlhotlhwa ya: 

Llofo ya Borotho, 20 - 25 % ya tlhotlhwa e o e duelang ke boleng jwa korong llofong.

Kgetse ya phaletšhe – 35 - 45 % ya tlhotlhwa e o e dueling ke boleng jwa mmidi.



Fa llofo ya borotho e ja R8,00 (sekao fela) boleng jwa korong bo ka nna jwa nna R2,00. Jaanong kelotefo ya thonoloteng a ka tswa gongwe e le 5% (e e tlaa bong e boitshega). Se se ka tlaleletsa ka 10c mo tlhotlhweng ya llofo ya borotho. Se ga se pharologano ya tlhotlhwa e e boitshegang mo modirising, fela gongwe e ka pholosa montshakuno wa korong mo go jeweng.



Kgwebo ke mathata – dikgwebo tsotlhe di na le kelo nngwe ya mathata. Fela mo montshakunong mathata a a boitshega:

Modiko wa ntshokuno o moleele (go tswa kwa paakanyommung go ya thobong);

Dijalo di mo boutlwelobotlhokong jwa maemo a loapi (komelelo, morwalela, sefako, segagane, serame le diphefo); le 

Bantshakuno ke banewatlhotlhwa – montshakuno ga a kgone go swetsa gore o batla go bona bokae mo temong ya korong ya gagwe ka gore dithoro tsotlhe di bapadiwa ka fantisi mme go le gontsi tlhotlhwa e montshakuno a patelediwang go e amogela mo dijalong tsa gagwe, e e leng kwa tlase ga se e di mo jeleng sona.



Fa o le ralebaka o reka bupi jwa borotho, mme o swetsa ka tlhotlhwa e o tlaa duedisetsang dirolo tsa gago. Fa modirisi a sa rate go duela tlhotlhwa eo, o emisa go reka folouru le go emisa go besa go fitlhelela ditlhotlhwa di tokafala. Fa montshakuno a setse a sweditse go jala sejalo, ga a ka ke a emisa tirego le go ema go fitlhelela tlhotlhwa e tokafala – o sentse madi mme o tshwanela go roba dijalo le go di rekisa.



Bantshakuno ba rona ba botlhokwa go gaisa – ba dira ka natla ba rwala mathata ba ba tlamelang batho ba Aforikaborwa ka dijo le ditiro. Gakologelwang gore re ka romela dijo teng fela fa dinaga tse dingwe di na le lefitiso, le fa naga ya rona e na le madi a boditšhaba go duelela diromelwateng. Fa maemo a sa siama mo dinageng tse dingwe tse di romelang ntle, go ne ba tlaa tshwara dijo tsa bona go di itirisetsa mme ga re ne re kgona go di reka. Fa kelokananyo e le kgatlhanong le boleng jwa ranta ya rona, naga ya rona ga e ne e nna le madi go duelela diromelwateng tsa dithoro, mme batho ba rona ba tlaa bolawa ke tlala, jaaka go ntse mo dinageng tse dingwe mo Aforika. Bantshakuno ba rona ke baagi ba botlhokwa ba ba dirang ka natla ba Aforikaborwa mme re tshwanetse go tsaya matsapa otlhe go ba tshola ba ntshetsa setšhaba sa rona dijo. Mo nakong e e tlang fa o reka llofo ya borotho – Gakologelwa montshakuno wa korong yo o senyegetsweng ke madi gore a kgone go ja.

